NWCOGHSTA
NWCOGHSTA
February 25, 2025 at 11:26 AM
Ntlo ya Bokone Bophirima ya Baeteledipele ba Setso le ba Khoi-San gompieno ba tlhotse ba tshwere letsholo temoso kwa morafeng wa Bakubung ba Mathope ka ga tshotlakako ya basadi le bana le boitekanelo kwa motseng wa Mathopestad. Maikaelelo a letsatsi leno e ne e le go lemosa batho thata ka ga Tirisodikgoka le Polao ya Basadi (GBVF) mo baaging ba Mathopestad le metse e e mabapi le go netefatsa gore baagi ba bega ditiragalo tse di ntseng jalo kwa sepodiseng. Morafe o ne gape wa tlhatlhobelwa botsogo mmogo le go thusiwa ka lokwaloitshupo. Batsayakarolo ba bangwe ba akaretsa Lefapha la Boitekanelo, Lefapha la Merero ya Selegae,SASSA,SAPS le Lefapha la thuto.
❤️ 1

Comments